Tshobokanyo le Lemorago
Mo pakeng ya ntlha ya Puso (1994-1999), Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg) e ne e le mooko wa tiriso ya thulaganyo e ntšhwa ya temokerasi le molaotheo. Ka nako eo e neng e le Lefapha la Tlhabololo ya Molaotheo, le ne le na le maikarabelo a le mararo, e leng:
Go okamela go tsenngwa tirisong ga molaotheo wa 1996;
Go tsamaisa Molao wa Pusoselegae ya Kgabaganyo wa 1993, o o neng o tlamela ka letlhomeso la kgabaganyo go tswa kwa pusoselegaeng ya tlhaolele go ya go puso ya temokerasi ya makgotlatoropo, phetolo ya dipopegotheo tsa makgotlatoropo le ditlhopho tsa dipusoselegae tsa 1995;
Go kwalwa ga pholisi e ntšhwa le letlhomeso la peomolao la dipusoselegae mo Aforika Borwa.
Setlhoa sa tiro ya bofelo e nnile go tlhagisiwa ga Dipegelo tsa Maikemisetso (Pampiritshweu le Pampiritala) tsa Pusoselegae, Molao wa Karoganyo ya Makgotlatoropo ka Melelwane, Molao wa Dipopegotheo tsa Makgotlatoropo le Molao wa Dithulaganyo tsa Makgotlatoropo mo pakeng eno. Tiro ya paka ya lona ya ntlha e ne e totile bogolo segolo go tlhama boeteledipele jo bontšhwa jwa sepolotiki ya puso ya temokerasi mo magatong a bosetšhaba le a porofense.
Paka ya bobedi ya Puso (1999-2004)
Tshimologo ya paka ya bobedi ya Puso ka ngwaga wa 1999 e itsisitse phetogo ya leina la Lefapha, mme yona ya baka le maikarabelo a mantšhwa. Maikarabelo a tlhabololo ya molaotheo a ne a fetisediwa kwa Lefapheng la Bosiamisi mme lefapha la bidiwa Lefapha la Diporofense le Pusoselegae (dplg). Maikarabelo a mantšhwa a Lefapha ya nna ona mooko wa go tokafatsa boleng jwa puso, go tokafatsa tlamelo ya ditirelo le go kgontsha tlhabololo.
Ka ntlha ya seno, maikarabelo a Lefapha la Diporofense le Pusoselegae a fetoga go tswa go go nna batlhokomedi ba molaotheo, go nna a go tiisa ditheo tsa puso, go tiisa dikamano magareng ga maphata a puso le go tlhamiwa ga thulaganyo e ntšhwa ya pusoselegae. Ka ntlha ya fa letlhomeso la pholisi ya pusoselegae le ne le le gona, ntlha e e totilweng e ne ya nna go tlhama makgotlatoropo le dithulaganyo tsa ona tsa botlhokwa, gammogo le go tshegetsa lephata leo go diragatsa ditaolelo tsa lona tsa molaotheo. Mo pakeng eno, lefapha le diragaditse maikarabelo a lona mo dikarolong tse tharo tse dikgolo, e leng:
Mananeo a Mmuso ka bophara: Maikarabelo ano a akareditse go golaganya go tsenngwa tirisong ga Lenaneo le le Kopanetsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae, Lenaneo la Tlhabololo ya Metsesetoropo, Ditirelo tsa Botlhokwa Tse di sa Duelelweng, tsamaiso ya matlhotlhapelo le go kwalwa ga pholesi ya tsamaiso ya matlhotlhapelo le letlhomeso la molao, gammogo le go baakanya molao o o malebana le seabe sa Ditheo tsa Segosi mo pusong le mo dikamanong tse di magareng ga maphata a puso.
Puso ya porofense: Bontsi jwa paka bo ne bo totile go tshegetsa diporofense go tsweletsa maikarabelo a tsona a go tshegetsa le go okamela makgotlatoropo.
Pusoselegae: Karolo nngwe ya tiro ya lefapha mo pusoselegaeng, e ne e le go tsenya tirisong, pholesi le molao o montšhwa wa pusoselegae, go tshegetsa go tlhamiwa ga puso ya makgotlatoropo ka maphata otlhe a yona le go konosetsa melao ya makgotlatoropo e e neng e saletse kwa morago, e tshwana le molao wa makgetho wa makgotlatoropo (Molao wa Makgetho wa Makgotlatoropo).
Ka Sedimonthole wa 2000, makgotla a ntlha a a tlhophilweng ka tsela ya temokerasi mo makgotlatoropong a ne a simolola go dira ka fa tlase ga letlhomeso le lentšhwa la molao. Mangwe a maikarabelo a ona e ne e le tsamaiso ya matlhotlhapelo a bosetšhaba, go tlhomiwa ga letlhomeso la molao la tsamaiso ya matlhotlhapelo mo nageng, le go itsise dikgato tsa thibelo tsa se se neng se itsege jaaka Y2K
Karolo ya bobedi ya tiro e ne e totile go tsamaisa dithebolelo tse di boitshegang tsa madi a kago ya mafaratlhatlha kwa makgotlatoropong le dišere tse di lekanang tsa makgotlatoropo. Maphata ano a lotseno a ne a gola ngwaga le ngwaga mme ka jalo a ama dipeeletso tsa makgotlatoropo le katoloso ya tlamelo ya ditirelo ka maikaelelo a go thiba sekgala se se bakilweng ke tlhaolele.
Phitlhelelo e kgolo malebana le go tsweletsa puso ya temokerasi e e sa tlhaoleng go ya ka bosemorafe
Go tloga ka 1994, puso ya tlhaolele e ne ya fetolwa go tloga go makgotla a selegae a le 1 200 a a neng a tletse bosemorafe, ditsamaiso di le nne tsa diporofense le Dinagamagae di le lesome , go nna makgotlatoroppo a le 284 a a tlhophilweng ka tsela ya temokerasi le diporofense di le robongwe gammogo le puso e e maatla ya bosetšhaba.
Go nnile le ditlhopho tsa temokerasi tse di neng di rena kagiso ka 1994, 1999 le 2004 tsa puso ya bosešhaba, ya porofense le ya selegae.
Puso mo magatong ka boraro e tlhomile mananeo a a farologaneng go fedisa lehuma le tlhaelo ya tlhabololo. Go tsentswe tirisong maano le mananeo mo maphateng a tshwana le dijo le kotlo ya ntlha, metsi le kgelelo ya leswe, motlakase le tlamelo ya maatla, matlo, tokafatso ya mafatshe, dipalangwa, thuto, tlhokomelo ya boitekanelo, Dikgwebopotlana le tirisanommogo ya loago. Bokgoni jwa diporofense jwa go tswelela go amogela matlole a a okeditsweng go tswa mo tekanyetsokabong ya ditshenyegelo tsa loago e nnile phitlhelelo e e gaisang. Tshekatsheko ka kakaretso e supa fa diporofense di kgonne go tokafatsa tekanyetsokabo thata mme di tlhagisitse dipoelo tse di bonalang mo tsamaisong ya ditshenyegelo.
Go tlhamilwe le go tsolotanngwa dithulaganyo tsa botlhokwa tsa makgotlatoropo gore go totiwe seabe sa baagi, togamaano ya tlhabololo e e kopanetsweng, tlamelo ya ditirelo le tsamaiso ya tiragatso. Gareng ga mananeo a mantsi a puso, a maikaelelo a ona e leng go fedisa lehuma, ditlhabololo tse di tlhaelang le go tlhama ditiro tsa leruri, lefapha la diporofense le pusoselegae le tsamaisa a a latelang:
Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo
Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo ke madi a thuso a maikaelelo a ona e leng go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikapitale go duelela dikago tsa mafaratlhatlha mo makgotlatoropong le go tokafatsa mafaratlhatlha a a ntseng a le gona, mme bogolosegolo go boelwa thata malapa a a itlhokelang. Seno se diragatsa ditshwetso le dipholesi tsa Kabinete tse di dirilweng pejana malebana le go tlhomiwa ga thulaganyo e e kopaneng ya tlamelo ya matlotlo go tshegetsa kago ya mafaratlhatlha mo makgotlatoropong. Mig le tlhometswe go kopanya mananeo a a latelang a tlamelo ya matlotlo ka thulaganyo ya dikgato, go tloga ka ngwaga wa ditšhelete wa 2004/5:
Lenaneo le le Kopantsweng la Kago ya Mafaratlhatlha a Makgotlatoropo go tshegetsa tlamelo e kgolo ya ka fa gare, mafaratlhatlha a kgolagano mo ditlamelong tsa baagi tsa malapa a a itlhokelang;
Letlole la Tirelo ya Metsi, go tshegetsa tlamelo e kgolo, kgolagano le mafaratlhatlha a ka fa gare a ditirelo tsa metsi a legato la ntlha;
Lenaneo la Ditiro tsa Setšhaba la Baagi, go tshegetsa go tlhamiwa ga dithoto tsa baagi mo baaging ba metsemagae, ba ba sa bolong go tlhoka ditshono;
Letlole la Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae, go tshegetsa togamaano le go tsenngwa tirisong ga go tlhamiwa ga ditiro le phokotso ya lehuma;
Kago ya Lenaneo la Metshameko le Boitapoloso, go tshegetsa tsweletso ya ditlamelo tsa metshameko le boitapoloso mo baaging ba ba se nang ditshono; le
Letlole la go tsenngwa ga motlakase, go samagana le tlhaelo ya motlakase mo matlong a a nnang batho a a fitlhelwang mo mafelong a a sa bolong go tlhaela ditirelo.
Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo ke thulaganyo e ntšhwa ya go fetisa mafaratlhatlha mme e ikaeletse go dira gore thulaganyo ya go fetisetsa kwa makgotlatoropong e nne bonolo, e tlhomame mme e dirwe ka tlhamalalo. Dipeelo tsa lona di a obega, mme di diretswe go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikago tsa makgotlatoropo, le go gokaganya togamaano e e kopanetsweng ya tlhabololo. Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo e ka se rebole matlole a diporojeke dingwe tse di rileng, fela e rulaganyeditswe go tshegetsa ditekanyetsokabo tsa dikago tsa makgotlatoropo (go tshwana le madi a a abelwang dikago tsa mafaratlhatlha tsa porofense). Ka jalo, pegelo ya ditshenyegelo e tla nna ya tekanyetsokabo yotlhe ya dikago ya makgotlatoropo, e gape e tshwanetseng go netefatsa gore go na le tekanyetsokabo e e lekaneng ya tiro mo isagong, go tsweletsa go duelelwa ditshenyegelo tseo tsa dikago. Mafapha a a farologaneng a a maleba a bosetšhaba a tla tswelela go etelela pele tlhokomelo le tshegetso ya go tsenngwa tirisong ga dintlha tsa ona tsa botlhokwa le tse e leng maikarabelo a ona.
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Metsemagae ya Leruri ke eng?
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae ke maiteko a puso a a tsamaisiwang ke Lefapha la Diporofense le Pusoselegae. Le simolotse go dira ka Diphalane wa 2000 morago ga go rebolwa ke Kabinete. Maikaelelo a lenaneo ke go lwantsha lehuma, go tlhama ditiro le go tokafatsa mokgwa wa go itshedisa wa baagi ba Aforika Borwa, bogolo segolo basadi, bašwa le batho ba ba sa itekanelang mo mebeleng.
Maikemisetso
Maikemisetso a magolo a lenaneo ke go netefatsa gore puso e dira mmogo le baagi le banni le seabe ba bangwe go fedisa lehuma le go tokafatsa boleng jwa botshelo kwa metsemagaeng.
Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae le ikaeletse go fitlhelela baagi ba ba tsepameng mme ba dirisana mmogo mo loagong, mme ba na le ikonomi e e ikgonang mme e tsepame mo e ka kgonang go busetsa serodumo sa baagi ba metsemagae.
Tlhabololo ya metsemagae
Tlhabololo ya metsemagae e ikaeletse go fedisa dingwaga tse dintsi tsa nyenyefatso ya baagi ba metsemagae ka go tokafatsa tlamelo ya ditirelo le gore baagi botlhe ba kgone go fitlhelela ditlamelo tsa loago di tshwana le tsa metshameko le boitapoloso, dikolo, ditleleniki, jalo le jalo.
Go nnela ruri
Gore diporojeke le ditiro tsa kwa magaeng di nnele ruri ke kgwetlho e kgolo go puso mme ka jalo go tlhoka gore banni le seabe botlhe ba nne le seabe ka botlalo go netefatsa gore diporojeke le ditiro di fitlhelela ditlhokego tsa batho ba ba kwa tlase.
Ka jalo, go tlhokega leano le le nnelang ruri go netefatsa gore lotseno la dipusoselegae le tokafadiwa ke mananeo a tshwana le Kabelo ya kago ya Mafaratlhatlha ya Makgotlatoropo. Go fitlha ga jaana, lenaneo leno le tsentswe tirisong kwa mafelong a le 13 a a supilweng jaaka dikarolo tsa metsemagae tse di tlhokang kelotlhoko. Mafelo ao ke:
Kgalagadi, kwa Kuruman (go kgabaganya molelwane wa Kapa Bokone/Bokone Bophirima)
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo ke eng?
Lenaneo la ntšhwafatso ya Metsesetoropo ke lenaneo la puso le le tsamaisiwang ke Lefapha la Diporofense le Pusoselegae. Le itsisitswe ke Moporesidente Thabo Mbeki mo Puong ya gagwe le Setšhaba ya 2001, ka maikaelelo a go susumetsa batho go dirisa maikatlapelo le ditlamelo tsa bona go thusa baagi ba ba nnang mo metsesetoropong mme ba itlhokela mo nageng. Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le itsisitswe ka nako e le nngwe fela le Lenaneo le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Leruri ya Metsemagae, gore a dirisane mmogo go lwantsha lehuma le tlhaelo ya tlhabololo kwa metsemagaeng le metsesetoropong.
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le tsenngwa tirisong mo mafelong a le robedi a a supilweng jaaka mafelo a a tlhokang go elwa tlhoko mo metsesetoropong, a mmogo a emetseng lehuma le le boitshegang mo Aforika Borwa. Go totilwe dikarolo tse di rileng tsa metsesetoropo gore di thusiwe, mme tsona ke:
Galeshewe - Lekgotlatoropo la Sol Plaatje kwa Porofenseng ya Kapa Bokone;
Go solofetswe gore fa le tsamaisa Lenaneo la Ntšhwafatso ya metsesetoropo, lefapha le netefatse gore go nna le kgokagano le tiriso e e bokgoni ya lenaneo la ntšhwafatso ya metsemagae mo dikarolong tsotlhe tse di supilweng jaaka tse di tlhokang go elwa tlhoko malebana le ntšhwafatso ya metsesetoropo. Diporofense tse dikarolo tseno di leng mo go tsona di nna le baemedi ba setegeniki ba ba supiwang ke Ditonakgolo go dira tiro e e rileng mme baemedi ba sepolotiki bona ba tlhophiwa ke bakhuduthamaga ba diporofense go kaela le go tlamela dikarolo tseo ka tshegetso ya setegeniki le ya sepolotiki. Batsamaisi ba Ditoropo le Bora/mmatoropo ba laoletswe go dira jaaka baeteledipele ba setegeniki le sepolotiki kwa diporojekeng tseo. Kwa dikarolong tseo tsotlhe ka borobedi, makgotlatoropo a a amegang a tlhomile setlhopha sa badiri ba ba boineelo go tsweletsa lenaneo.
Lenaneo la Ntšhwafatso ya Metsesetoropo le lebeletse baagi ba metsesetoropo, bogolo segolo ditlhopha tse di mo matshosetsing di tshwana le basadi, bašwa, bagodi le ba ba sa itekanelang mo mmeleng.
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae
Tshobokanyo
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae ke lenaneo la Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le le tlhalosang thulaganyo e batho ba selegae ba dirisanang ka gona le banni le seabe ba bangwe go fitlhelela kgolo le tlhabololo ya leruri ya ikonomi ya selegae. Lenaneo le ikaeletse go supa le go akaretsa ditlamelo tsa selegae, batho ba ba nang le bokgoni le dikakanyo tsa kgwebo, gore ba tshwaele mo kgolong ya ikonomi ya selegae.
Maikemisetso a lenaneo
Maikemisetso a magolo a lenaneo ke go phasalatsa ditlamelo le ditshono tsa dikgwebo go maatlafatsa ikonomi ya baagi ba selegae gore ba kgone go itumelela melemo ya ditshono tsa leruri tsa ditiro le seemo se se tokafetseng sa botshelo.
Dipharologantsho tsa botlhokwa tsa Lenaneo la Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae e tshwanetse go tswelela pele mme e nne bokgoni;
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae e tshwanetse go dira go ya ka letlhomeso la bosetšhaba la ikonomi mme go ntse go le jalo, e kgone go susumetsa ikonomi ya selegae;
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae e na le bokgoni jwa go kurusa ditlamelo tsa batho, ditšhelete le ditheo le go di kopanya go godisa ikonomi ya selegae; mme gape
Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae e ka dirisiwa jaaka sediriswa sa go ngokela ditšhelete tse dikgolo go tswa kwa lephateng la poraefete gore go tlhamiwe ditiro le mafaratlhatlha a a tlhokwang thata ke baagi ba selegae.
Seabe sa makgotlatoropo mo Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae
Pegelo ya Maikemisetso (Pampiritshweu) ya Pusoselegae e tlhalosa ka botlalo seabe sa "pusoselegae ya tlhabololo". Ya re: pusoselegae e tshwanetse go itlama go dira le baagi, mekgatlho ya baagi le ditlhopha tse dingwe tse di nang le dikgatlhego go bona ditsela tsa leruri tsa go fitlhelela ditlhokego tsa baagi tsa loago, ikonomi le dilo, mme ka go rialo, go tokafadiwa boleng jwa matshelo a bona.
Setshwano se sentšhwa sa pusoselegae se farologana le sa maloba ka ntlha ya fa puso ya bosetšhaba e se rwesitse maikarabelo a go nna lefelo le le kwa pele le tlamelo ya ditirelo e diragalang go tswa kwa go lona. Makgotlatoropo jaanong a na le maikarabelo a a oketsegileng. Le fa tota pusoselegae e ka seke ya tlhama ditiro, e tshwanetse go dirisa boitlhamelo malebana le gore e tsamaisa merero ya yona jang. E tshwanetse go dira seemo se mo go sona, bagwebi ba ka kgonang go tswelela pele.
Mananeo a tshwana le Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae ke ditselana tse di tla tlhagisang bagwebi ba ba ka tlhamang madirelo a a tlhagisang ditlhagiswa tsa matlalo, dibenya, dikarolo tsa dikoloi le dilwana tse dingwe tse di ka romelwang ntle. Bagwebi bano ba ka tshwaela mo boleng jwa ditlhagiso le ditirelo tsa naga (Gross domestic product) mme ka go rialo ba fokotse botlhokatiro. Ntlha ya botlhokwa ke gore ba ka nna beng ba didiriswa tsa tlhagiso di tshwana le metšhini ya mabono le thekenoloji e e tsweletseng pele.
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo
Tshobokanyo
Fa e sale re amogela temokerasi mo Aforika Borwa mo ngwagasomeng o o hulereng, tlamelo ya ditirelo e nnile sengwe se re se utlwileng go tswa mo bathong ba le bantsi. Go lopiwa ga ditirelo tsa ntlha ke baagi go oketsega ka lobelo ka ntlha ya fa ba lemoga seemo sa bona mme ba eletsa seemo se se botoka sa botshelo mo malapeng a bona.
Ka jalo, eemo seno se tlhoka gore pusoselegae, ka tirisanommogo le lephata la poraefete, Mekgatlho ya Baagi, le makgotlatoropo, ba itlhaganedise maikarabelo a bona a go tlamela baagi ba Aforika Borwa kwa metsemagaeng le mo metsesetoropong ya naga ka ditirelo tsa ntlha. Ditirelo tseno tsa ntlha di akaretsa :
Sanitasi/kgelelo ya leswe;
Go tlosiwa ga matlakala;
Motlakase;
Ditlamelo tsa metshameko le boitapoloso;
Ditsela;
Matlo
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo ke eng?
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo ke lenaneo la Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le le ikaeletseng go tlhama tirisanommogo magareng ga makgotlatoropo, Mekgatlho ya Baagi le ditheo tse dingwe, ka maikaelelo a go kopanya ditlamelo tsa ditšhelete le batho gore go kgontshiwe makgotlatoropo go atlega go tlamela baagi ka ditirelo tse di botoka.
Lenaneo le totile eng?
Lenaneo le totile go supa batho, mekgatlho e e seng ya puso, mekgatlho ya baagi le ditlamo tsa poraefete tse di ka tlamelang ka bokgoni jo bo tlhaelang le go rebola ditirelo tse di ka thusang makgotlatoropo go tokafatsa nako ya go rebola ditirelo. Tirisanommogo ya dipopegotheo tseno, tse di dirang mmogo go tokafatsa matshelo a baagi ba Aforika Borwa ke yona tota Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo.
Dikao tsa tirisanommogo ya makgotlatoropo
Seno se ka tlhalosiwa jaaka tumelano ya kgwebo magareng ga lekgotlatoropo le lekgotlatoropo le lengwe, gongwe lephata lengwe la mmuso gongwe setheo se se fetotsweng go nna sa poraefete mo lekgotlatoropong.
Dikai tsa ditheo tse di fetoletsweng go nna tsa poraefete mo lekgotlatoropong di a latela:
City Parks, e e rweleng maikarabelo a tlhokomelo ya diphaka, ditshingwana tsa dimela, dipolantasi tsa ditlhare, jalo le jalo.
City Power, e e rweleng maikarabelo ya go rekisetsa pusoselegae motlakase ka bontsi. Motlakase o o jalo o rekisediwa baagi ka diyuniti.
Dikai tse dingwe tsa Tirisanommogo ya Tirelo ya Makgotlatoropo di akaretsa Mekgatlho ya Baagi e e dirisanang le lephata la poraefete. Tirisanommogo e tshwanetse go nna le bokgoni, e tlhomamisiwe mme e tshwanetse go fitlhelela ditlhokego tse di tlhagisitsweng tsa molao ka ntlha ya fa dingwe tsa tsona di tshwanetse go thusa makgotlatoropo ka dithulaganyo tsa go tlhagisa melato ya ditirelo, e leng sengwe se gantsi se ka nnang marara.
Baagi ba ngongoregile ka thulaganyo ya go rebola melato, go naya sekai, ba bona e kete melato ya motlakase le metsi e bontsha dipalo tse di fosagetseng mme ka jalo e oketse madi a a tshwanetseng go duelelwa ditirelo. Ka ntlha ya dingongorego tseno, pusoselegae e eletsa go tsereganya le go samagana le mathata ano ka go dirisa ditirelo tsa dikonteraka tsa ditlamo tse di itshupileng tse di nang le boitseanape jwa dithulaganyo tsa diakhaonte le bokgoni jo bongwe jo bo tlhaelang go tokafatsa tlamelo ya ditirelo.
Konteraka ya ditirelo
Gantsi pusoselegae le batlamedi ba ditirelo ba nna le tumelano ya magareng ga ngwaga le dingwaga tse tharo (1-3), e e akaretsang go thusa ka dithulaganyo tsa melato/diakhaonte, tlhokomelo ya mafaratlhatlho, le go amogela dituelo go tswa mo baaging. Gape tumelano e akaretsa tshekatsheko ya boleng jwa tiro e e dirwang ke batlamedi bano ba ditirelo gammogo le nako e go solofetsweng gore ba bo ba weditse tiro ka yona.
Tirisanommogo ya Ditirelo tsa Makgotlatoropo e tshwanetse go tsewa jaaka sediriswa se se dirisediwang go dira gore makgotlatoropo a kgone go obega fa a samagana le ditlhokego tsa baagi tsa ditirelo.
Lenaane la Tlhabololo e Kopanetsweng (idp)
Lenaane la Tlhabololo e e Kopanetsweng ke eng?
Seno ke thulaganyo e makgotlatoropo a e dirisang go rulaganya maano a dingwaga di le tlhano a a sekasekwang ngwaga le ngwaga morago ga go batla maikutlo a baagi le banni le seabe. Maano ano a ikaelela go tsweletsa kopano ka go tsepamisa dipilara tsa loago, ikonomi le ikholoji tsa leruri ntle le go imetsa bokgoni jwa ditheo jo bo kgonegang mo tirisong, le ka go gokaganya ditiro go ralala maphata a puso.
Makgotlatoropo a tsweletsa manaane a tlhabololo e e kopanetsweng go fitlhelela tlamelo ya ditirelo le diphitlhelelo tsa tlhabololo tsa makgotlatoropo ka tsela e e bokgoni le e e nnelang ruri. Mafapha a bosetšhaba le a porofense, ditheo tsa tlhabololo, maphata a poraefete, Mekgatlho e e seng ya puso le baagi ba na le seabe mo paakanyong le tiragatso ya Maano a Tlhabololo a a Kopanetsweng a makgotlatoropo. Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le tlamela banni le seabe bano, bogolo segolo makgotlatoropo, ka tshegetso ya kaedi, mananeo a katiso, mekgwa ya go dira, tlamelo ya matlole le mananeo a bokgoni. Gape Lefapha la Diporofense le Pusoselegae le gakolola banni le seabe ba ba farologaneng ka tsela ya go gokaganya le go tokafatsa maano a tlhabololo, le go tlhagola tsela ya go amogana kitso.
Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso
Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso ya pusoselegae e dirwa ke kgolagano ya Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso tse di fitlhelwang kwa makgotlatoropong a kgaolo. Ditikwatikwe tsa PIMS di na le baporofešenale ba tlhabololo ba ba nayang tshegetso e e siametseng maemo a selegae go makgotlatoropo a selegae le a kgaolo, letsatsi le letsatsi mo go tsa Manaane a Tlhabololo a a Kopanetsweng le go tsenngwa tirisong ga ona. Ka jalo, tshegetso e kgabaganya ditiro le maikarabelo a a farologaneng.
Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso ke diyuniti tsa tshegetso tse di ikarabelang mo makgotlatoropong a di a direlang, mme ke dikgato dingwe tse ka tsona lefapha la diporofense le dipusoselegae le mafapha a pusoselegae a diporofense a tlamelang thuso ya tiro go makgotlatoropo. Ditikwatikwe tsa Tsamaiso ya Tshegetso ya Botsamaisi jwa Thulaganyo le Tiriso di tlametswe ka mafaratlhatlha a tshedimosetso le thekenoloji e e kgontshang makgotlatoropo go fitlhelela tshedimosetso ya GIS, dikgang le ditiro tse di amanang le lenaane la tlhabololo e e kopanetsweng, pholisi e e maleba ya lephata, dikaedi le melao, gammogo le maano a lephata, matlhomeso le dithutopatlisiso tse di farologaneng.
Porojeke ya Maatlafatso (pc)
Porojeke ya Maatlafatso ke eng?
Ke lenaneo la tiro le le supileng makgotlatoropo a a nang le tlhaelo e e boitshegang ya tlamelo ya ditirelo e e tlhokang go tsibogelwa ka gangwe fela.
Maikaelelo a porojeke ke go tiisa dipoelot se di bonweng morago ga go tlhomiwa ga temokerasi ka go thusa gape makgotlatoropo a a tlhaelang bokgoni jwa go tlamela ka ditirelo tsa botlhokwa di tshwana le:
Matlo
Motlakase
Metsi
Sanitasi /Kgelelo ya leswe
Thulaganyo ya kgelelo ya metsi a pula
Go tlosiwa ga matlakala, jalo le jalo
Kwa ntle ga makgotlatoropo a a setse a supilwe go ka thusiwa, maikemisetso a porojeke ke go bona go samaganwe le dikgwetlho tsa makgotlatoropo otlhe a le 284 ka tsela e e nang le bokao mme e bile e le mosola.
Porojeke ya Maatlafatso e na le pholisi e e gaisang e e lebeletseng batho ba ba 'kobo di khutshwane - ke sengwe se puso ya maloba e reteletsweng ke go se dira - pholesi ya batho ba ba 'kobo di khutshwane e lebelela seemo sa batlhoki, bagodi le batho ba ba sa direng le ba ba sa itekanelang mo mebeleng. Go supile ditlhokego tsa batho bano mme ba kopiwa go ikwadisa kwa makgotlatoropong a a farologaneng gore ba gololwe mo tuelong ya ditirelo tsa ntlha. Seno se kaya gore ba fitlhelela ditirelo tse di sa duelelweng tse di tlamelwang ke makgotlatoropo a kwa ba leng gona.
Go solofetswe fa Porojeke ya Maatlafatso e tla tsaya sebaka sa dingwaga tse 2 mme e ikaeletse go nna motheo wa phetogo e e bonalang le tlamelo ya ditirelo ka bonako go baagi ba ba tlamelo ya ditirelo e saletseng kwa morago mo mafelong a bona.
Maikaelelo a magolo a Projeke ya Maatlafatso ke go:
Tlamela ka mokgwa o o dirisegang o o tla kgontshang legato la pusoselegae go fokotsa botlhokatiro ka selekano sa halofo ka ngwaga wa 2010;
Fokotsa lehuma ka selekano sa halofo;
Tlamela ka bokgoni jo bo tlhokwang ke ikonomi;
Netefatsa gore MaAforika Borwa otlhe a kgona go diragatsa ditshwanelo tsa ona tsa molaotheo ka botlalo le go itumelela seriti sa kgololesego;
Tlamela batho ka ditirelo tse di boutlwelobotlhoko tsa puso;
Tokafatsa ditirelo go fitlhelela boitekanelo jo bo botoka jwa bosetšhaba le; go fokotsa dintsho tse di ka thibelwang, go akarediwa bosenyi jwa tirisodikgoka le dikotsi tsa tsela;
Go fokotsa thata bosenyi jo bo tseneletseng le jo bo kwa godimo, gammogo le dikgetse tse di emetseng tsheko; le
Go tlhoma Aforika Borwa go nna mosusumetsi wa botlhokwa mo dikamanong tsa lefatshe
